Back to top

Primary tabs

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro la bo, 23 Motsheganong 2018, kwa Tuynhuys, Motsekapa.
    
A. Merero ya ga Jaanong

1. Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV)


1.1. Kabinete e kgalema ka mafoko a a bogale tota tirisodikgoka mo basading le mo baneng.Dikgetse tsa sešeng tse di akaretsa ya Nonkululeko Mpanza le Nompumelelo Mhlongo kwa Thokoza, Ekurhuleni; Katlego Joja kwa Mamelodi, Tshwane; Promise Mthembu kwa KwaZulu-Natal; le Jabulile Nhlapo, yo e leng moithuti wa kwa Unisa, di bontsha ka fao tirisodikgoka e e tshosetsang matshelo a basadi le bana ba rona e godileng ka teng.

1.2. Kabinete e rometse matshediso a yona a kutlobotlhoko kwa malapeng le ditsaleng tsa basadi le bana bano. Matsapa a tirisodikgoka mo basading le mo baneng a batla gore  botlhe re samagane le one mo go a lwantsheng.

1.3. Kabinete e tsweletse go matlafatsa ditheo tsa tiragatso ya molao mo go lwantsheng phediso ya GBV. Mo Melaotlhomong e e atlenegisitsweng mo Kabineteng eno ke Molaotlhomo o o Kwalololwang Sešwa wa Tsamaiso ya Dithulaganyo tsa Bosenyi, 1977 (Molao wa bo 51 wa 1977). Molaotlhomo ono o tla oketsa ditiragalo tseo di bonwang e le ditlolotsamolao tsa thobalano tseo di tla tšhotšhisiwang mme gape o tla oketsa le nako e e beilweng ya go ka tlhatlhela kgetse ya thobalano go isiwa kwa kgotlatshekelo go ka nna paka e e fetang dingwaga di le 20.

1.4. Ditsereganyo tseno di tlaleletsa mo godimo ga dikgato tseo puso e setseng e di tsere. Go setse go butswe Ditikwatikwe tsa Tlhokomelo tsa Thuthuzela di le 54 go ralala le naga tseo maitlhomo a tsona e leng go dira jaaka lefelo la ditirelontsi go ka fedisa go sotla ka batswasetlhabelo ba dikgetse tsa thobalano ka go ba isa kwa godimo le kwa tlase mmogo le go fokotsa nako e e tseiwang mo go konosetseng dikgetse tse di mabapi le tlolomolao ya thobalano.

1.5. Puso e setse e tlhomile Dikgotlatshekelo tsa Ditlolomolao tsa Thobalano go ka samagana ka tolamo le tirisodikgoka le petelelo e e diragalelang basadi. Mo godimo ga foo, Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) e tlhomile mafelotiriso a le 1 047 ao a ikaeletseng go ka thusa batswasetlhabelo kwa diteišeneng tsa sepodisi go ralala le naga go ka amogela le go thusa batswasetlhabelo ba GBV.

1.6. Beke ya Tshireletso ya Bana e tla tshwarwa go tloga ka la bo 27 Motsheganong go fitlha ka la bo 2 Seetebosigo 2018. Kabinete e ikuela mo batsading, batlhokomeding ba bana ba semolao mmogo le baagi gore ba dirisane le ditheo tsa tiragatso ya molao mo go sireletseng bana ba rona. Kabinete e ikgata motlhala gore fa e le gore o belaela gore ngwana wa gago a ka tswa a latlhegile, o tshwanetse go bula kgetse ka ponyo ya leitlho kwa seteišeneng sa mapodisi.

1.7. Re tshwanetse go dirisana mmogo jaaka setšhaba se se ratang kagiso e bile se obamela melao go ka samagana le tlolomolao e e diriwang mo basading le mo baneng. Kabinete e ikuela mo go bao ba itseng ka ditiragalo dingwe le dingwe fela tsa tlolomolao e e diragalelang basadi le bana go ka ikgokaganya lemogala o o sa duelelweng wa Mogala wa Merero ya Thuso ya Bana mo go  0800 055 555 kgotsa Mogala wa go Fedisa Bosenyo mo go 08600 10111. Fa e le gore o mosadi yo o tlaleletsweng kgotsa fa e le gore o itsane le mosadi mongwe fela yo a leng mo tlalelong, mogala o o sa duelelweng wa Tikwatikwe ya Taolo ya GBV ke 0800 428 428 kgotsa (0800 GBV GBV).

1.8. Kabinete e ikuela mo go rona rotlhe go dirisana mmogo go thibela ditiragalo tse dingwe gape tsa tirisodikgoka mo basading le mo baneng, go tshegetsa batswasetlhabolo ba dipogiso le go tswalela beng ba ditiragalo tse di di  maswe tseno. Ke maikarabelo a batho botlhe go begela mapodisi ka batho bao ba utlwisang basadi le bana botlhoko, ba ba dirisa le go ba bogisa gore basiri ba ditiro tseno ba golegwe le go bonwa molato. 

2. Ikonomi 

Kabinete e amogetse kgolo e e namatshang mo go thapeng batho mo diphatlhatirong di le 206 000 tse di tlhagelelang mo kotareng ya ntlha ya 2018, go tswa mo Pegelong ya Dipatlisiso tsa Palo ya Badiri mo Kotareng ya sešweng jaana e e sa tswang go gololwa ke Lefapha la Dipalopalo la Aforika Borwa (Stats SA). Go oketsega gono ga ditiro go bakilwe ke go okediwa ga diintaseteri tsa rona di le thataro mo go di le 10. Le fa go le jalo, botlhokatiro mo bašweng ba rona bo santse bo le kwa godimo ka bontsi b le kanaka  52.4%, moo bao ba thapelwang ruri ba ka nna 12.2%. Kabinete e ikuela mo makaleng a setšhaba go dirisana mmogo mo go samaganeng le botlhokatiro. 

Ka moono wa ‘Thuma Mina – Roma nna’ o o rotloediwang ke Moporesitente Cyril Ramaphosa mo Puong ya gagwe ya ntlha ya Maemo a Setšhaba (SoNA) ka Tlhakole 2018, Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe, bogolosegolo mo makaleng a poraefete, go thusa go mo go tlhomeng ditiro le mo go beeletseng ka fo nageng gore  maAforika Borwa a mangwe gape a mantsi a kgone go akarediwa mo ikonoming.

3. Motlakase

Kabinete e amogetse jaaka phitlhelelo e kgolo go thankgololwa ga Porojeke ya Motlakase wa Letsatsi ya Motlakase o o Tlhotlhetswang ka Letsatsi ya Xina kwa Kapa Bokone. Ke enngwe ya diporojeke di le supa tsa Diporojeke tsa Motlakase o o Tlhotlhetswang ka Letsatsi tse di leng ka fa tlase ga Lenaane la  Ditheko tsa Tlhagiso e e Ikemetseng ya Motlakase o o Ntšhwafatsegang mo Lefapheng la Eneji.

Bodutelo bo le Bongwe jwa Xina bo tla tlamela Eskom ka motlakase o o se nang tshenyo epe mo tikologong go ya ka tumelano ya dingwaga di le 20 ya theko ya motlakase. Seno se tla dira gore go nne le malapa a le 95 000 a maAforika Borwa ao a amogelang motlakase  o o se nang tshenyo epe mo tikologong, bogolosegolo mo nakong ya fa o dirisiwa ka bontsi. 

4. Bokone Bophirima 

4.1. Kabinete e amogetse pegelo ya bobedi ya Komiti ya Ditona tsa Naga (IMC) e e ka ga matsapa a a tsweletseng kwa Bokone Bophirima mme e kgotsofaditswe ke kgatelopele e e dirilweng mo go direng gore porofense eno e nne mo seemong se se edileng.

4.2. Mo kopanong ya yona e e fetileng, Kabinete e utlwane ka gore Bokone Bophirima bo beewe mo taolong ya Karolo ya bo 100 (1) ya Molaotheo wa Rephaboliki ya Aforika Borwa ya 1996. Kabinete gape e okeditse Ditokololo tsa IMC ka go tlaleletsa ka Tona ya Thuto ya Motheo (DBE); ya Bodiredipuso le Tsamaiso (DPSA); ya Manno a Batho; ya Tlhabololo ya Loago; ya Bojanala; ya Merero ya Tikologo le ya Dipalangwa.

4.3. IMC e ne ya kopiwa go dira gape diphuruphutso tse di tseneletseng mo porofenseng le go eletsa Kabinete gore mo mafapheng a puso a a leng teng ga jaana ke afe a a tshwanetsweng go beewa ka fa tlase ga taolo ya Karolo ya bo 100 (1) (a) kgotsa Karolo ya bo 100 (1) (b) ya Molaotheo.

4.4. Ka ntlha ya tiro eno, Kabinete e amogetse gore mafapha a le matlhano a porofense a bewe ka fa tlase ga taolo ya Karolo ya bo 100 (1) (b):

(1) Kantoro ya Tonakgolo; 
(2) Lefapha la Pabalesego ya Baagi le  Bolaodi jwa Dipalangwa;
(3) Lefapha la Thuto ya Motheo le Tlhabololo ya Metshameko; 
(4) Lefapha la Boitekanelo; le 
(5) Lefapha la Ditiro tsa Puso le Ditsela. 

Mafapha a le matlhano a tla bewa ka fa tlase ga taolo ya Karolo ya bo 100 (1) (a):

(1) Lefapha la Matlole, Ikonomi le Tlhabololo Temothuo;
(2) Lefapha la Pusoselegae le Bonno jwa Batho; 
(3) Lefapha la Metseselegae, Tikologo le Tlhabololo ya Temothuo;
(4) Lefapha la Tlhabololo ya Loago; mmogo le
(5) Lefapha la Bojanala.  

Kabinete e letleletse gore dikgokagano tse di tlhokegang di romelwe kwa Lekgotleng la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP) le gore ditlhaeletsano le bannaleseabe ba ba matshwanedi kwa Bokone Bophirima di simolole. Dipatlisiso tse di tsweletseng go diriwa ke Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego di se emisewe mo mererong yotlhe eo e tlhokang gore ditheo tsa tiragatso ya molao di tsereganye gone.

5. Kamano ya Boditšhabatšhaba

5.1. Kabinete e kgalemetse ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa dikgoka tse di diriwang ke sesole sa maIseraele mo molelwaneng wa Gaza, tseo di bolaileng matšhwititšhwiti a baagi. Go lebeletswe bogale mmogo le mokgwa wa ditlhaselo tseno tsa sešweng tsa puso ya maIseraele, puso ya maAforika Borwa e sweditse gore e laele Moambasatara wa yona Sisa Ngombane gore a boele fa gae fo fitlha a laelwa gore a ka nne a boela kwa nageng eo.

5.2. Kabinete e ikuela mo Sesoleng sa maiseraele go tswa mo Molelwaneng wa Gaza le go busetsa maemo a dintwa le ditshenyo tsa dithoto tsa mafelo a Palestina mo sekeng. Dikgato tsa bona di tlhagisa gape sekgoreletsi mo tharabololong ya leruri e e setseng e tserwe mabapi le dikgogakgogano tseno, e e tshwanetseng go dira dinaga di le pedi e leng naga ya Palestina le naga ya Iseraele, tseo di tla tshegetsanang le go rena kagiso.

5.3. Kabinete e boeletsa boikuelo jo bo setseng bo dirilwe ke dinaga di le dintsinyana tseo di leng ditokololo tsa Dinagakopano jwa go dira diphuruphutso tse di mabapi le dipolao tseno, go ka rwesa ba ba amegang mo go tsona maikarabelo.

6. Go Kgothosiwa ga Dijanaga tse di Thotang Madi (CIT)

Kabinete e tshwenyegile e le ruri ka ga ditlhaselo tsa  go kgothosiwa ga dijanaga tse di thotang madi mme e kgatlhanong le bogodu jono. Re akgola gape le ditheo tsa tiragatso ya molao mo tiragatsong ya bona e e bonako mo go golegeng babelaelwa le go leboga baagi ba ba thusitseng badiragatsi ba molao ka tshedimosetso e e thusitseng mo go golegeng batho bano.

Baagi bao ba ka tswang ba na le tshedimosetso e nngwe go ikuelwa mo go bone gore ba ka thusa ka go ikgolaganya le ditheo tsa tiragatso ya molao.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

7. Lekgotla la Moporesitente le le mabapi le dikgwebo tsa Puso


Kabinete e amogetse gore go tlhomiwa PSEC eo monnasetilo wa yona e leng Moporesitente Ramaphosa. Maitlhomomagolo a yona ke go baakanyasešwa Dikgwebo tsa Puso (di-SOE) go nna didirisiwa tse di botlhokwa thata mo tlhabololong ya ikonomi.  

PSEC e tla tlamela ka botlhale jwa sepolotiki le ka bolaodi jwa ditogamaano. gareng ga tsepamisomogopolo wa yona e tla nna go matlafatsa letlhomeso la bobusi jwa di-SOE le go netefatsa gore ditsereganyo tse di maleba di tsenngwatirisong go ritibatsa maemo a ditlamo tseno.

Ditokololo tsa PSEC di tla akaretsa ditona, Baitseanape, mekgatlho ya badiri mmogo le ya baagi. Maina a ditokololo tsa PSEC a tla itsisewe mo tsamaong ya nako. PSEC eno e tla agelela mo godimo ga tiro eo IMC –  SOE e setseng e e dirile go tloga ka Tlhakole 2015 fa e ne e tlhomiwa, eo monnasetilo wa yona e neng e le Motlatsamoporesitente.

8. Kabinete e amogetse Pholisi Dithoto le Dithata (IP)  ya Kgato ya 1 ya Rephaboliki ya Aforika Borwa. Pholisi eno e bokeleditse ditshwaelo tse di tlhagisitsweng mmogo le tseo di emetseng bannaleseabe. E tsibogela boikuelo jwa Leano la Tlhabololo la Bosetšhaba (NDP) jwa go gatelela thata boitshimololedi, tlhagiso e e tokafaditsweng mmogo le tshalomorago e e tseneletseng ya khumo ya kitso.

Pholisi ya IP ya Kgato ya 1 gareng ga tse dingwe e latela Molaotheo, NDP, Leano la Botlhokwa la Diritibatsi la Bosetšhaba, Letlhomeso la Naga la Pholisi ya Diintaseteri mmogo le dikwalwa tse dingwe tse di farologaneng tsa Leanotiro la Pholisi ya Diintaseteri. 

Gape pholisi eno e tla nna sedirisiwa se se botlhokwa thata mo go rotloetseng boitshimololedi, phetisetso ya thekenoloji, dipatlisiso le tlhabololo, go itlhagisa ka mokgwa wa botaki, tshireletsego ya bareki, tlhabololo ya diintaseteri mmogo ka bogolo le, kgolo ya ikonomi.

9. Kabinete e amogetse go baakanngwa ga Tumelano e e mabapi le go Ganetsiwa ga go dira Dibetsa tsa Nyutlelia ke Palamente. Tumelano eno ke kgato ya botho mo dibetseng tsa nyutlelia e e thankgolotsweng ka 2010. Ke tsereganyo ya togamaano mo kgaolong ya go fokotsa dibetsa tsa nyutlelia le mo dikgogakgonanong tse di tswang kwa lowe tse di mabapi le dipuisano tsa dinagantsi tsa go fokotsa dibetsa tseno.

Tumelano eno e tsamaisana ka botlalo le dipholisi tsa Aforika Borwa tsa go fokotsa dibetsa, melao ya ka fa nageng le maikano a yona a boditšhabatšhaba.

10. Kabinete e amogetse gore go Baakanngwe Tumelano e e ka ga go Babalela ka Namana Didirisiwa tsa Nyutlelia, gore e tlhagisiwe kwa Palamenteng. 

Tumelano e e ka ga go Babalela ka Namana Didirisiwa tsa Nyutlelia ke sedirisiwa se le nosi fela se se bofelelang mo kgaolong ya Tumelano e e ka ga go pabalelo ka namana ya didirisiwa tsa nyutlelia. Tumelano e e baakantsweng ke phitlhelelo e e botlhokwa mo matekong a boditšhabatšhaba mo go babaleleng ka namana didirisiwa tsa nyutlelia mmogo le mafelo a tsona ka go tlhoma dikgato tsa setlwaedi tsa pabalesego. 

Gareng ga tse dingwe e akaretsa pabaleseg ka namana ya didirisiwa tsa nyutlelia mo go dirisiweng mo teng ga naga, mo mafelong a polokelo ya yona le mo dipalangweng tsa go e rwala, mmogo le pabalelo ya didirisiwa tsa nyutlelia mmogo le mafelo a yona kgatlhanong le tshenyo ya kabomo. 

11. Kabinete e dumeletse go tshwarammogo marapo ga Khonferense ya Boditšhabatšhaba ya bo 10 ya Setheo sa Moombata wa Sesole gore e tshwarwe ke Kantoro ya Moombata wa Sesole, e e tla tshwarwang ka Diphalane 2018.

Ono ke mokete wa ngwaga le ngwaga o o rulaganngwang ke Tikwatikwe ya Taolo ya Temokerasi ya Sesole, e e leng kwa Geneva, Switzerland, mme jaanong e tla bo e le lekgetlho la ntlha o tshwarelwa mo kontinenteng ya Aforika.

C. Melaotlhomo

12. Kabinete e amogetse Dipaakanyo tsa Molaotlhomo wa Sekema sa Tlhokomelo ya Boitekanelo wa 2018 gore di phasaladiwe mo Kaseteng ya Puso gore baagi ba dire ditshwaelo. 

Molaotlhomo ono o baakanya Molao wa Sekema sa Tlhokomelo ya Boitekanelo wa 1998 (Molao wa bo 131 wa 1998) gore o tsamaelane le  Lokwalotemoso lwa lefapha la puso lwa Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI) mmogo le Sekwalwa sa Bili ya Tlamelokamatlole a NHI. Molaotlhomo ono, gareng ga tse dingwe, o ikaelela go tokafatsa melawanataolo ya diintaseteri tsa dikema tsa tlhokomelo ya boitekanelo mmogo le go lepalepanya letlhomeso la melawanataolo le diphetogo tse di setseng di dirilwe mo ngwagasomeng yo o fetileng mo lekaleng leno. 

Molaotlhomo ono gape o tla netefatsa gore bajalefa ba babalesegile botoka mmogo le go rotloetsa phitlhelelo e e tokafaditsweng mo go tlamelweng ka matlole fa go iwa kwa maokelong a poraefete. 

13. Kabinete e amogetse gore go tsenngwe tirisong Molaotlhomo o o Baakantsweng wa go Rwala Maikarabelo ga Puso wa 2018 kwa Palamenteng. Molaotlhomo ono o baakanya  Molao wa go Rwala Maikarabelo ga Puso wa 1957. O tlamelana ka dikarolo tsa dituelelo mo ditopotuelong tse di diriwang kgatlhanong le Puso mabapi le fa modiredi wa puso a abelane ka tlhokomelo ya boitekanelo e e fosagetseng. Seno se tla fokotsa boima jwa dituelelo tseno jo bo neng bo jarilwe ke ditekanyetsokabo tsa maokelo a puso. 

Dipaakanyo tseno di tla oketsa metswedi ya matlole e e leng teng ga jaanong mo maokelong a porofense gore a kgone go abelana ka ditirelo tsa tlhokomelo ya boitekanelo. 

14. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Molaotlhomo wa Naga wa Phetogo ya Maemo a Loapi wa 2018 gore baagi ba dire ditshwaelo. Molaotlhomo ono o letlelela gore go nne le tepatepanyo ya dipholisi tse di nang le seabe mo tsibogelong ya Aforika Borwa mabapi le phetogo ya loapi. E tla netefatsa gore go nna le tiriso e e kwa tlase ya khabone mo nageng mmogo le ikonomi e e sa fetlhaneng le maemo a loapi. 

Eno ke kgato e nngwe gape ya tlaleletso mo matsapeng a Aforika Borwa a go tsenyatirisong Pholisi ya Naga ya Tsibogelo ya Phetogo ya Maemo a Loapi ka maitlhomo a go rotloetsa tlhabololo e e nnelang ruri le go diragatsa tshwanelo ya go nna le tikologo e e senang matsapa mo boitekanelong le mo pholong ya ditshedi, jaaka go tlhagisitswe mo Molaotheong. 

15. Kabinete e amogetse go tsenngwatirisong ga Molaotlhomo wa Dipaakanyo tsa Thulaganyo ya Bosenyi wa 2018, o o baakanyang Molao wa Thulaganyo ya Bosenyi wa 1977 go isiwa kwa Palamenteng.  

Molaotlhomo o o Baakantsweng ono o o tshitshinywang o tla oketsa lenaane la ditlolo tsa molao wa thobalano mo botšhotšhising mme mo makgetlong a le mantsi o letlelela gore dikgetse di tlhatlhelwe le fa morago ga lobaka lo l o leele le le fetang le dingwaga di le 20. Dipaakanyo tseno di tsamaisana le katlholo ya kgotlatshekelokgolo ya Borwa jwa Gauteng mo tshekong ya kgetse ya Levenstein. 

Kgetse eno e ribolotse gore Karolo ya bo 18 ya Molao wa Tsamaiso ya Dithulaganyo tsa Bosenyi wa 1977 ga o tsamaisane le Molaotheo e bile ga e a amogelesega ka ntlha ya fa e thibela, go sa kgathalesege mabaka a a leng teng, tshwanelo ya go tlhatlhela kgetse kgatlhanong le ditlolomolao tsotlhe tsa thobalano, ntle fela le tseo di tlhalositsweng mo Karolong ya bo  18 (f), (h) le (i) mo Molaong ono, morago ga sebaka sa dingwaga di le 20 go tloga motsing o tlolomolao eno e diragetseng ka ona.

Dipaakanyo tseno di tla neela Bothati jwa Bosekisi jwa Bosetšhaba (NPA) nako e ntsi ya go ka tlhatlhela kgetse mo ditlolong tsa molao wa thobalano go ya ka Kgaolo 2 ya Molaotheo. 

D. Ditiragalo tse di Tlang

16. Botlhatlheledi jwa Ngwagakgolo wa Letsatsi la Aforika la Nelson Mandela 


Moporesitente  Ramaphosa o tla neelana ka puo ya Botlhatlheledi jwa Ngwagakgolo wa Letsatsi la Aforika la Nelson Mandela kwa Khonferenseng ya Tsosoloso ya Aforika, ka la bo 24 Motsheganong 2018 kwaTikwatikweng ya Kopanelo ya Boditšhabatšhaba ya Inkosi Albert Luthuli kwa Durban. 

Mokete ono ke karolo ya ditlotlomatso tsa ngwaga otlhe tsa ngwagakgolo wa go tlotla botshelo jwa ga Moporesitente wa ntlha wa naga ya temokerasi, Tata Nelson Rolihlahla Mandela le jwa Molwelakgololesego Mama Albertina Nontsikelelo Sisulu, mme di tsweletse go ralala le kontinete mmogo le lefatshe ka bophara.

17. Letsatsi la Aforika

Mokete wa Letsatsi la Aforika o tshwrwa ngwaga yo mongwe le yo mongwe ka la bo  25 Motsheganong go ralala le kontinente yotlhe go tshwanya letsatsi leo Mokgatlho o o Tshwaraganeng wa Aforika (OAU) – oo jaanong o itsegeng ka Mokgatlhotshwaraganelo wa Aforika (AU) – ka ngwaga wa 1963. Ke mokete yo o keteng phapang ya bana ba sebilo mme o ikuela gore go nne le kutlwano mo kontinenteng.

Aforika Borwa e keteka Letsatsi la Aforika ka mekete e e tla gogang kgwedi yotlhe mo Kgweding ya Aforika mme e tlabo e le monate e bile e ruta, maa baagi ba tla itemogelang dipoelo tsa sepolotiki le tsa ikonomi ya loago mo bašweng ba naga ya Aforika Borwa le ba Kontinente ya rona. Moono wa Kgwedi eno ke: “Ngwaga wa Nelson Mandela – Re Aga Aforika yo o Botoka le Lefatshe le le Botoka”.

E. Melaetsa

18. Matshediso 


Kabinete e rometse matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa ga raditshwantsho yo a hulereng yo a itsegeng thata yo a kileng a amogela Kabo ya Naga ya Ikhamanga, Rre Sam Nzima, yo a neng a dirisa khamera ya gagwe go ribolola bosetlhogo jwa puso ya tlhaolele. O tla gopolwa ka setshwantsho sa gagwe se se itsegeng thata sa ga Hector Pieterson‚ se a se tsereng ka la bo 16 Seetebosigo 1976, seo se dirileng gore lefatshe le bone bosetlhogo jono le go simolola go tsaya dikgato kgatlhanong le puso e e setlhogo ya tlhaolele. 

Kabinete e romela kutlobotlhoko ya yona e e tswang ka fa boteng jwa pelo ya yona mmogo le matshediso kwa ba lelapa la ga Ngaka Phillip Nchipi Tabane, yo a hulereng ka la bo 18 Motsheganong 2018 go latela go bobola sebaka. Jaaka tokololo e e tlhamileng setlamo sa Malombo Jazzmen, e ne e le yo mongwe wa diopedi tse di diphatsa tsa mmino mo Aforika Borwa. 

Kabinete e romela matshediso a yona kwa ba lelapa le ditsala tsa ga Rre Sonwabo Eddie Funde yo e neng e le Moambasatara wa mo malobeng wa naga ya Aforika Borwa kwa Germany yo gape e neng e le Monnasetulo wa Boto ya Lekgotlakgaso la Aforika Borwa (SABC).

Kabinete e utlwile botlhoko jwa ntho go latela dintsho tsa basetsanyana ba le babedi ba ba tlhokafetseng go latela gore ba welwe ke lebota kwa Durban. Re romela matshediso a a tswang kwa boteng jwa pelo ya rona kwa ba malapa a bona.

19. Melaetsa ya go Akgola

kabinete e akgola Vusumuzi Ndlovu yo a duleng mo maemong a bo supa mo dikabong tsa 2018 tsa Baapei ba Bašwa tsa S. Pellegrino tse mo malobeng di neng di tshwarwetswe kwa Milan. Dikatlego tseo a di fitlheletseng di dirile gore Aforika Borwa e nne motlotlo.

Kabinete e akgotse Mogaka yo a sa tswang go rweswa korone ya Federeišene ya Mabole ya Boditšhabatšhaba (IBF)‚ le ya Mokgatlho wa Mabole wa Lefatshe (WBA)  mo metshamekong ya  bo rra mabole a fa gare le a a loleya mo Makasineng wa Metshameko ya Mabole Hekkie "Hexecutioner" Budler, yo e nnileng ene moAforika Borwa wa ntlha go ka tshwara dikorone tse dikgolo di le pedi tsa lefatshe ka nako e le nngwe morago ga gore a fenye mapanta a bo rra mabole a fa gare a IBF le WBA.

F. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

20. Mme Boitumelo Mosako jaaka Motlhankedimogolo wa Matlole kwa Bankatlhabololong ya Dinaga tsa Borwa jwa Aforika (DBSA).

21. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga kwa Botong ya Bankatlhabololong ya Lefatshe le Temothuo:

a. Rre Mabotha Arthur Moloto (o thapilwe sešwa e bile ke Monnasetulo);
b. Mme Dudu Hlatshwayo (o thapilwe sešwa e bile ke Motlatsamonnasetulo);
c. Mme Susan Ann Lund (o thapilwe sešwa);
d. Mme Matome Sydney Makgoba; le
e. Ngaka Steven Thomas Cornelius.

22. Boto ya Bojanala ya Aforika Borwa:

a. Ngaka Tanya Ethel Abrahamse (o thapilwe sešwa);
b. Rre Enver Duminy (o thapilwe sešwa);
c. Mme Michelle Julie Constant (o thapilwe sešwa);
d. Rre Thebeetsile Ikalafeng (o thapilwe sešwa);
e. Rre Yacoob Abba Omar (o thapilwe sešwa);
f. Rre Monwabisi Peter Fandeso (Monnasetulo);
g. Mme Pamela Bulelwa Yako;
h. Mme Kathleen Elizabeth Rivett-Carnac;
i. Mme Dawn Elizabeth Robertson;
j. Rre Ravi Nadasen;
k. Mme Lindiwe Sangweni-Siddo;
l.  Rre Mohamed Baba; le
m. Mme Nomzamo Bhengu (Department of Tourism representative).

23. Rre Dinizulu Kumalo Percival Sechemane Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO) wa setlamo sa Rand Water.
 
24. Moatefokata (Ngaka) Seswantsho Godfrey Lebeya jaaka Tlhogo ya Naga ya Lephata la Bolaodi jwa Dipatlisiso tsa Bosenyi jo bo Masisi.

25. Rre Goodman Ntandazo Vimba jaaka CEOmo Setheong sa Tshegetso ya Mafaratlhatlha a Masepala ka fa Lefapheng la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA).

26. Rre Lindokuhle Cedric Mkhumane jaaka Motlatsamokaedikakaretso: Tlhabololo ya Dikgwebo le ya Boitshimololedikgwebo, ka fa Lefapheng la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana.

27. Rre Phakamani Hadebe Jaaka Mokaedikhuduthamaga wa Makala a Ditlamo tsa Eskom  SOC Ltd (Eskom) gape e le tokololo ya mo malobeng ya semmuso (Mokaedimogolo) wa Boto.

28. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya tsamaiso ya Diphasela ya Aforika Borwa:

a. Mme Mmakeaya Magoro Tryphosa Ramano (Monnasetulo);
b. Rre Ronald Ozzy Lamola;
c. Rre Thulani Matiki Norman Kgomo;
d. Mme Thandiwe January-McLean;
e. Rre Kugan Harikrishna Thaver;
f. Rre Bongisiwe Mpondo;
g. Mme Hlengiwe Thandeka Makhathini;
h. Ngaka Thabi Leoka;
i. Rre Ahmed Ismail Bassa; le
j. Rre Trevor Abrahams (o thapilwe sešwa).

29. Bakaedi bao e Seng ba Khuduthamaga mo Botong ya Transnet:

a. Rre Popo Molefe (Monnasetulo);
b. Mme Mpho Emily Letlape;
c. Rre Louis Leon von Zeuner;
d. Mme Ursula Nobulali Fikelepi;
e. Mme Dimakatso Catherine Matshoga;
f. Mme Ramasela Joyce Ganda;
g. Moporofesara Edward Christian Kieswetter;
h. Rre Aluwani Percy Ramabulana;
i. Ngaka Fholisani Sydney Mufamadi;
j. Mme Vivien McMenamin;
k. Moatefokata Oupa Motaung; le
l.  Mme Gratitude Ramaphaka.

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams
Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere 
Mogala: 083 501 0139