Back to top

Primary tabs

Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya la bo 24 Diphalane 2018

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona ka Laboraro, la bo 24 Diphalane 2018, kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS)

1.1. Kabinete e amogetse Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS) ya ga Tona ya Matlole Tito Mboweni, e e ka ga maikano a a totobetseng a gore naga ya Aforika Borwa e ka ntšhwafadiwa.

1.2. MTBPS ya ngwaga wa 2018 e nopola ditshwetso tse di bokete tsa puso tse di mabapi le dikgwetlho tsa ikonomi le matlole tse di tobaneng le puso mo pakeng e e tlang ya dingwaga di le tharo. Maemo a ngwaga wa 2018 a kgolo ya ikonomi a lebilwe sešwa go tloga mo 1.5% go bewa mo 0.7%, mme maemo a tikologo mo lefatsheng a tswelela go gwetlha maemo a diikonomi tse di santseng di supoga. MTBPS ya ngwaga wa 2018 e naya sephuthelwana sa tsosoloso le kgodiso ya ikonomi sa ga Moporesitente bokao, e leng se se tla tobanang le tsetsepelo le tlhokomelo ya matlole.

1.3. Puso e tswelela go samagana le tsetsepelo ya matlole, le fa go le jalo go setse go dirilwe diphosonyana di se kae fa e sale go rebolwa Puo ya Tekanyetsokabo ya ngwaga wa 2018 ka Tlhakole monongwaga. Puso e tswelela go samagana le go laola sekoloto sa naga le go ka se fokotsa. Le fa re tobane le matsapa a ikonomi le matlole, kabo ya matlole e e tshitshingtsweng e tswelela go baya kwa setlhoeng manaane a a tobaneng le merero ya loago a a tshegetsang thuto, boitekanelo, tlhokomelo ya loago, metsi le kgeleloleswe mmogo le ditirelo tsa motlakase.

2. Samiti ya Moporesitente e e ka ga Boitekanelo

2.1. Kabinete e amogetse dipoelo tsa Samiti ya Moporesitente e e ka ga Boitekanelo tseo maitlhomo a tsona e leng go rarabolola dikgwetlho tse di farologaneng tse di tobaneng le thulaganyo ya ditirelo tsa boitekanelo jwa puso. Dipoelo tseno di tla matlafatsa ipaakanyetso ya go tsenya tirisong Inšorense ya Bosetšhaba ya Boitekanelo (NHI).

3. Pusetso ya dinaga

3.1. Kabinete e amogetse manaane a a ka ga pusetso ya dinaga a a tsweletseng go diragadiwa a a tsosolosang seriti le go phimola dikeledi tsa bao mo malobeng ba diretsweng diphoso mmogo le go thusa go ka godisa ikonomi.

3.2. Moporesitente Cyril Ramaphosa o ne a eteletse pele mokete o o ka ga pusetso ya dinaga, moo diheketara di feta di le 4 586 tsa lefatshe di buseditsweng baagi ba kwa KwaMkhwanazi kwa Empangeni, KwaZulu-Natal.

3.3. Baagi ba kwa KwaMkhwanazi ba tla neelwa gape le diphuthelwana morago ga moletlo mmogo le tshegetso e leng tse di tla ba thusang go oketsa lehumo le le tlang le lefatshe. Seno se tla dira gore baagi bano ba nne le naga e e tla ba kgontshang gore ba se tlhole ba lemela go iphepa mme ba lemele go rekisetsa batho le beng ba dikgwebo go ralala le lethathama lotlhe la dithekiso mo nageng ya bobona.

3.4. Puso e ikemiseditse go tshegetsa tsetsepelo ya dikgwebo tsa temothuo, mme tsone di akaretsa diporojeke di le 262 tse di tsamaelanang le tsa pusetso ya dinaga mo bašwa le basadi e tla nnang bone ba ba unngwelwang go ralala le diporofense tsotlhe.

4. Go sengwa ga mafaratlhatlha a setšhaba

4.1. Kabinete e tlhagisitse matshwenyego a yona mabapi le go sengwa ga mafaratlhatlha a setšhaba. Ditiragalo tseno di nyatsa maikano a puso a go isa ditirelo kwa metseng eo mo malobeng e neng a beetswe kwa thoko. Ga go dingongorego dipe tse di ka tlhotlheletsang gore mafaratlhatlha a setšhaba a sengwe. Go sengwa gono ga mafaratlhatlha ke maiteko a go senyeletsa batho ba ba humanegileng le go ba utswetsa ditirelo tse ba di tlhokang thata.

4.2. Kabinete e ipiletsa mo baaging go ntsha matlho dinameng le go dirisana mmogo le ditheo tsa molao mo go golegeng bao ba nang le seabe mo ntlheng eno. Kabinete gape e nopotse gore Setlhopha sa Bosiamisi, Thibelobosenyi le Tshireletsego se tla samagana le ntlha eno ka mo go tshwanetseng. 

5. Thulaganyo ya go thapa Mokaidi wa Naga wa Ditirelo tsa Setšhaba tsa Botšhotšhisi (NDPP) 

5.1. Kabinete e amogetse mokgwa o montšhwa wa go thapa NDPP. Moporesitente Ramaphosa o thapile Phanele ya Boeletsi gore e nopole le go tshwara dikopano tsa go senka tiro le bao e bonang ba le matshwanedi a go ka okama setilo tsa Tlhogo ya Bothati jwa Botšhotšhisi jwa Bosetšhaba (NPA). Panele eno e kopane lwantlha mo bekeng eno fa e sale e tlhomiwa mme go solofetswe gore e tla romela maina a batho ba e ba beileng leitlho kwa go Moporesitente ka la bo 7 Sedimonthole 2018. 

6. Katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo

6.1. Kabinete e atlhaatlhile katlholo ya Kgotlatshekelo ya Molaotheo e e mabapi le gore batho ba bagolo ba ka dirisa, ba jala le go tshwara motekwane go ka o dirisetsa mabaka bona mmogo le seabe sa katlholo eo. Baagi ba lopiwa gore ba buise le go tlhaloganya katlholo eno ka ntlha ya gore go dirisa motekwane fa gare ga batho ga go a letlelelwa. Mo godimo ga seno, katlholo eno ga e a re go rekisa motekwane ga e sa le tlolo ya molao.

6.2. Kabinete e a dumela gore katlholo eno e bonwa jaaka melao e mengwe e e leng teng e e ka ga tiriso, go tshwara le go jala motekwane. Kabinete mo ntlheng eno e santse e gakololwa mabapi le seno.

7. Samiti e e mabapi le Pabalesego kwa Dikolong

7.1. Kabinete e amogetse Samiti e e neng e tshwerwe mo malobeng e e mabapi le Pabalesego kwa Dikolong e e neng e gogwa kwa pele ke Tona ya Thuto ya Motheo mme Angie Motshekga. Samiti eno e bokeleditse bannaleseabe mo mererong ya thuto le ba ba senang seabe mo mererong eno go ka mekamekana le ditharabololo mabapi le dikgwetlho tsa pabalesego tse di tobaneng le dikolo tsa ka fa nageng mmogo le go simolola go aga ditikologo tse di babalesegileng kwa dikolong.

7.2. Seno se latela dintwa tse di nang le go runya kwa dikolong tse dingwe, go akaretsa le  morutabana wa dingwaga di le 24 yo a wetsweng ke dintelo, Rre Gadimang Daniel Mokolobate, yo a bolailweng ka thipa setlhogo ke morutwana kwa sekolong sa Ramotshere Secondary fa Zeerust, kwa Bokone Bophirima.

7.3. Bannaleseabe botlhe ba a dumelana gore tirisodikgoka ya mefuta yotlhe, bogolosegolo kwa dikolong, ga e a dumelesega leeseng le gore go tshwanetse go nna le tirisanommogo go tlala seatla go netefatsa gore kwa dikolong go rena pabalesego mo barutwaneng le mo barutabaneng.

8. Ditlhatlhobo tsa materiki

8.1. Kabinete e lakaletsa barutwana botlhe, bogolosegolo ba ba samaganeng le ditlhatlhobo tsa bona tsa mophato wa bo 12, masego le matlhogonolo. Lekgetlho lwa ntlha monongwaga lefapha le tla bo le samagane le ditlhatlhobo tsa Puo ya Diatla ya Aforika Borwa mabapi le maemo a Puo ya Gae mo barutwaneng ba le 58 ba ba dirisang puo ya diatla mo dikolong di le 10. Ditlhatlhobo tseno di tla goga sebaka sa dibeke di le tlhano le halofo mme di tla konosela ka la bo 28 Ngwanaitseele 2018.

8.2. Barutwana go ralala le naga le bona ba tla saena maikano ntle le segapeletsa go ikana gore ba tla tsholetsa serodumo le seriti sa ditlhatlhobo ka go se dire dilo tse di sa amogelweng. Batsadi le batlhokomedi ba barutwana ba lopiwa gore mo pakeng eno e e botlhokwa thata ba tshegetse bana ba bona tebang le dithuto tsa bona. Go botlhokwa gape go rotloetsa barutwana gore ba konosetse dithuto tsa bona tsa sekolo.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

9. Kabinete e amogetse tumelano e e ka ga Mafelo a a Sireleditsweng a Mawatle (di-MPA) a le 20 go nna karolo ya  Operation Phakisa: Lethathama le le Emetseng di-MPA tsa Ikonomi ya Lewatle.  

Dipoelo tsa go oketsa maikarabelo, gareng ga tse dingwe, di tla kgontsha gore go nne le tlhabololo mo bojanaleng jwa mafelo a tlhago le mo go tsholetseng phitlhelelo ya bolaodi jwa tlhokomelo ya metswedi mabapi le boreatlhapi jwa makala a a potlana. Tshitshinyo eno ya go okediwa ga maikarabelo e latela dipuisanelo magareng ga bannaleseabe botlhe ba ba maleba. Di-MPA di tla phasaladiwa ka fa Kaseteng ya Puso.

10. Kabinete e amogetse Lenaanetiro la Naga (NAP) la Bobedi la Aforika Borwa le le Kwalolotsweng Sešwa le go Lepalepanngwa Sentle go ka Lwantshana le Komelelo, Tirisobotlhaswa ya Lefatshe le go Lwantsha Seabe sa Komelelo (2018-2030).Maitlhomo a NAP ke go tsenya letsogo mo pabalelong le mo tshomarelong ya tiriso ya naga ya rona le mo tlhokomelong ya metswedi ya rona ya tlhago.

Aforika Borwa e utlwanetse semmuso Tumelano ya Dinagakopano (UN) e e ka ga go Lwantsha Kakafalo ya 1997. Malebana le Karolo ya bo 9 ya tumelano eno, maphata a a e leng karolo ya tumelano eno a tshwanetse go kwala, go baakanyetsa le go tsenya tirisong NAP jaaka karolo e e botlhokwa ya togamaano ya go lwantshana le kakafalo le go ka thibela ditlamorago tsa komelelo. Aforika Borwa e kwadile NAP ya yona ya ntlha ka ngwaga wa 2004.

C. Melaotlhomo

11. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe mo Kaseteng ya Puso Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Bana gore baagi ba dire ditshwaelo ka one. Molaotlhomo ono maitlhomo a ona ke go matlafatsa taolo ya tlhokomelo ya bana le thulaganyo ya pabalesego ka tirisano ya mafapha le ya makala. 

Dikarolo tseno tse di kwalolotsweng sešwa di tsibogela Katlholo e e rebotsweng ke Kgotlatshekelokgolo ya Bokone jwa kwa Gauteng ya Ngwanaitseele 2017, mo Lefapha la Tlhabololo ya Loago le laetsweng gore le kwale le go tsenya tirisong dikarolo tse di matshwanedi tse di kwalolotsweng sešwa tsa Molao wa Bana wa ngwaga wa 2005 (Molao wa bo 38 wa 2005) go latela ditharabololo tsa semolao tse di totileng bolaodi jwa thulaganyo ya mafelo a tlhokomelo ya bana ba ba tlhokang tlhokomelo.

12. Kabinete e amogetse gore Molaotlhomo o o Kwalolotsweng Sešwa wa Ditirelo tsa Poso o tlisiwe kwa Palamenteng go tsenngwatirisong. Molaotlhomo ono o dira gore Pholisi ya Lokwalotemoso lwa Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (ICT) e e atlenegisitsweng ke Kabinete ka Lwetse 2016 e nne mosola.

Dipoelo tse di lebeletsweng ke go nna le Kantoroposo ya Aforika Borwa e e gaisanang le tse dingwe, e atlega le go somarelega mme e abelana ka ditirelo tsa lefatshe ka bophara tsa poso e bile e fitlhelesega mmogo le go refosana taolo mo lekaleng la diposo. Molaotlhomo ono gape o tlamela ka kgato e e tla tlamelang malapa a kwa metseselegae le a segosi ka diaterese tsa bodulo.

Molaotlhomo ono o setse o atlhaatlhiwe.

D. Ditiragalo tse di Tlang

13. Khonferense ya Aforika Borwa e e mabapi le Dipeeletso tsa Dinaga tsa Boditšhabatšhaba

Moporesitente Ramaphosa  ka Labotlhano, la bo 26 Diphalane 2018, o tla etelapele Khonferense e e mabapi le Dipeeletso tsa Dinaga tsa Boditšhabatšhaba kwa Sandton Convention Centre mo Johannesburg. Seno ke karolo ya matsapa a a kopantsweng go ka ngokela dipeeleso le go ka godisa ikonomi ya rona. 

Mo godimo ga seno, barongwa ba le bane ba ba tsomanang le dipeeletso ba ba romilweng ke Moporesitente ba tla boa ba begela khonferense ka kgatelopele e ba setseng ba e dirile.

14. Samiti ya Dinaga di le Someamabedi (G20)

Moporesitente Ramaphosa o laleditswe ke Mokhanselara wa Federeišene ya Jeremane, Ngaka Angela Merkel, gore a tsee karolo mo Samiting ya G20 – Kopano ya Kutlwano magareng ga Dikgwebo tsa kwa Jeremane le Dinaga tsa Aforika (CwA), mmogo le Kopano ya Maphata a Kgwebo, ka bobedi di tla tshwarelwa kwa Jeremane ka la bo 30 Diphalane 2018.

Samiti ya Dipeeletso ya G20 e tla bokeletse dikgwebo tsa kwa Jeremane le Dinaga tsa CwA go ka sekaseka ditšhono tse go ka beelediwang mo go tsone go latelwa letlhomeso la Tirisanommogo ya  G20 le Aforika. Babeeletsi ba kwa Jeremane ba tla tla ka diporojeke tse di botlhokwa tse di setseng di rebotswe mo dinageng tsa CwA le go sekaseka ditšhono tse dingwe gape mo kontinenteng. Moporesitente o tla tsenela samiti a tsorame maemo a Monnasetulommogo wa G20 mo Setlhopheng sa Baeletsi sa Aforika Borwa.

Khonferense ya G20 ka ga CwA e tla tsepamisa mogopolo wa yona mo mekgweng eo G20, dinaga tsa CwA mmogo le ditheo tsa tlhabololo di ka dirisanang mmogo ka teng go tsholetsa dipeeletso tsa ditheo tsa poraefete le go nna e seabe mo mererong ya ikonomi ya dinaga tsa Aforika. Kopano eno gape e tla samagana le ditiro tsa ipaakanyetso mo karolong ya Samiti ya G20 e e tla tshwarelwang kwa Buenos Aires, kwa nageng ya Argentina.

15. Beke ya Mtsholo a Naga a Imbizo

Maloko a khuduthamaga a tla tsaya karolo mo letsholong la bo robongwe la GCIS la Beke ya Matsholo a Naga a Imbizo a puso ya botlhano ya temokerasi, e e tla tshwarwang go simolola ka la bo 12 go fitlha ka la bo 25 Ngwanaitseele 2018. Seno se tsamaisana le Beke ya go Dira Dipegelo ka ga Lenaanetiro la Kabinete.  

Beke ya Matsholo a Naga a Imbizo e tla neela Maloko a khuduthamaga mmogo le baeteledipele ba dipusoselegae tšhono ya go go tshwara dikopano le baagi le dikopano tsa Imbizo go ralala le naga, mo pakeng eo, go bontsha baagi seo puso e se dirileng mo go tsenyeng tirisong Letlhomeso la Togamaano ya Pakagare (MTSF) mmogo le go tsibogela dingongora tse di tlhagisiwang ke baagi, tseo di leng malebana le pabalesego, kgolo le tlhabololo ya metse ya rona.

Matsholo  a dibeke tse pedi tseno a diragala mo nakong eo re ketekang mekete ya ngwagakgolo ya Balwelakgololesego Mama Albertina Sisulu le Tata Nelson Mandela,bao bobedi ba bona ba neng ba rata go buisana le baagi bao ba ba emetseng.   

E. Melaetsa

Melaetsa ya go Akgola

16. Kabinete e akgola Tona ya Boitekanelo, Ngaka Aaron Motsoaledi, yo a neetsweng dikapo di le pedi tsa Kochon, kwa moketeng o o neng o tshwaretswe kwa Hague, kwa Netherlands. Kabo eno e akgola seabe sa ga Tona mo maikarabelong a gagwe le mo boiteledipeleng jwa gagwe jwa sepolotiko mo go lwantsheng lehuba (TB) mo lefatsheng ka bophara.

Kabo ya bobedi eo Tona a tla e abelwang mmogo le tokololo ya mokgatlo wa sepolotiki wa Right, Motlotlegi Nick Hebert, yo e leng Tokololo ya Palamente (MP) kwa nageng ya kwa United Kingdom, e tla nna mo diatleng tsa bona ba le babedi jaaka e le bannasetulommogo ba Kopano ya di-MP tsa Lefatshe e e ka ga TB go ralala lefatshe lotlhe. Kabo eno ya Kochon e abiwa ngwaga le ngwaga batho kgotsa mekgatlho e e dirileng go tlala seatla mo go lwantsheng TB mo nageng ya bona kgotsa kwa dinageng tse dingwe.

17. Kabinete e amogetse Dikabo tsa Lefatshe tsa go Tsaya Maeto tsa 2018 tseo di nopotseng Aforika Borwa jaaka e nngwe ya dinaga tse di di gogang kwa pele. Durban kwa KwaZulu-Natal le yona e nopotswe jaaka teropokgolo e e di gogang kwa pele mme yona e fentse sekgelele sa teropokgolo e e di gogang kwa pele momaemong a mafelo a boemelake. Motsekapa, kwa Kapa Bophirima e fentse dikabo tsa go nna Lefelo le le gogang kwa pele ditiragalo le Mekete.

18. Kabinete e amogetse go tshamekiwa ga dikgatiso tsa filimi ya ka fa nageng e e bidiwang Nommer 37 e e dirilweng ke Joshua Bradley kwa Amerika ka la bo 2 Ngwanaitseele 2018. Filimi eno e e buang ka bosenyi e diretswe kwa Cape Flats mme e tlametswe ka matlole ke ba Lefapha la Kgwebisano le Intaseteri (dti) ka sekema sa yona sa Merokotso ya Aforika Borwa ya go Tlamela ka Matlole Badiri ba Difilimi ba Bathobatsho ba ba Santseng ba Supoga. Seno se tla thusa go ngokela babeeletsi ba dinaga tsa kwantle go beeletsa mo intasetering ya difilimi ya Aforika Borwa.

Melaetsa ya Matshediso

19. Kabinete e ikamanya le Moporesitente Ramaphosa mo go romeleng matshediso a yona mmogo le mo go tlhagiseng kutlobotlhoko mabapi le: 

19.1. go tlhokafala batho ba feta ba le 27, mo dikotsing di le dintsinyana tse di farologaneng tsa dijanaga mo go N1 North kwa  porofenseng ya Limpopo. Badirisi ba ditsela ba lopiwa go itlhokomela mo mebileng le go netefatsa gore ka dinako tsotlhe ba obamela melao ya tsela.

19.2. go tlhokafala ga Molwelakgololesego, Mama Agnes Msimang.  Mama Msimang e ne e le mokgaratlhedi wa tekatekano ya batho ba bong jo bo farologaneng e bile e ne gape e le  Motlatsamoporesitente wa Mokgatlho wa Basadi wa Sepolotiki wa African National Congress (ANCWL). E ne e le wa ba bangwe ba basadi ba tlhoka palo ba ba neng ba kopantse metse ya bona go ralala le naga ya Aforika Borwa kgatlhanong le Puso ya Tlhaolele. O tla fitlhwa ka Labotlhano, la bo 26 Diphalane 2018. Tirelo ya phitlho e tla simolola ka ura ya bo 08:00 kwa setsheng sa kereke ya Our Lady of Cedars Catholic Church kwa Woodmead, Johannesburg.

19.3. go tlhokofala ga Molwelakgaratlho yo gape e leng moamogedi wa Kabo ya Tlotla ya Naga e e Selefera ya Mendi go leboga bogatlhamela masisi ga gagwe, Rre Eric “Stalin” Mtshali.

19.4. go tlhokafala ga mokgaratlhi wa ANC Rre Moss Chikane. Rre Chikane e nnile Tokololo ya Palamente ka ngwaga wa 1994 morago ga gore naga e iponele ditlhopo tsa yona tsa temokerasi tsa ntlha. Ka ngwaga wa 2005, o ne a thapiwa jaaka Moambasatara wa naga ya Aforika Borwa go e emela kwa nageng ya Jeremane.

19.5. baagi ba kwa nageng ya Sweden mmogo le ba lelapa go latela go tlhokafala ga Mme Lisbet Palme‚ a le dingwaga di le 87. Mme Palme e ne e le motlholagadi yo mo malobeng a neng a nyetswe ke Moporesitente wa mo malobeng wa naga ya Sweden Rre Olof Palme, yo a neng a romelwa batho gore ba mo bolaye ka ngwaga wa 1986, mme Moporesitente Ramaphosa o mo tlhalositse e le “Tsala ya Mmatota Naga ya Aforika Borwa”.

20. Go thapiwa

Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

21. Boto ya SENTECH SOC LIMITED:

a. Mme Maureen Makole Manyama (mokaedi yo seng wa Khuduthamaga); mmogo le

b. Mmes Precious Nompumelelo Sibiya (mokaedi yo seng wa Khuduthamaga).

22. Go thapilwe sešwa Mme Gugulethu Brightness Nokukhanya (Poppy) Khoza jaaka Mokaedi: Boto ya Setlamo sa Difofane sa Bothati jwa Difofane tsa Baagi.

23. Ngaka Molefi Motuku yo a thapilweng jaaka Mokaedikhuduthamagamogolo (CEO)wa (Mokgatlho wa Dipatlisiso ka Dimenerale tsa Naga tsa Aforika Borwa)

24. Rre Terries Salani Ndove jaaka Motlatsamokaedikakaretso: mo kgaolong ya Pusetso le Tlhabololo ya Dinaga kwa Lefapheng la Tlhabololo ya Metseselegae le Ntšhwafatso ya Naga.

Dipotsolotso:
Mme Phumla Williams – Mmueledi wa Kabinete wa Namaotshwere
Mogala: 083 501 0139