Back to top

Primary tabs

Pegelo ya Kopano ya Kabinete ya Laboraro, wa la bo 1 Ngwanaitseele 2017

Kabinete e ne e tshwere kopano ya yona kwa Tuynhuys, Motsekapa.

A. Merero ya ga Jaanong

1. Puo ya Pholisi ya Tekanyetsokabo ya Kgweditharo (MTBPS) ya 2017

1.1. Kabinete e amogetse MTBPS e e tlhagistsweng ke Tona ya Matlole, Rre Malusi Gigaba, kwa Palamenteng, kwa Motsekapa, mo bekeng e e fetileng.

1.2. Koketso ya tekanyetsokabo e tswelela go atolosa kgolo e e akaretsang botlhe le dipaakanyetso tsa matlole fa mo letlhakoreng le lengwe e boloka le go tlhotlheletsa dituelelo tsa loago mo thutong, boitekanelong, mafaratlhatlheng a motheo le mo go dueleleng madithuso a puso, e leng tseo bontsi jwa maAforika Borwa ba itshetlegileng ka tsona gore matshelo a bona a tokafale.

1.3. Mo sebakeng seo se nang le ditlhokwa tsa matlole, maikemisetso a puso a go fedisa dikgwetlho mo Aforika Borwa a bonagala ka ditsereganyo tsa go godisa diikonomi tsa kwa makeišeneng le tsa kwa metseselegaeng, go matlafatsa puso e e lolameng mo ditlamong tsa puso, mmogo le go tlamela ka matlole a mangwe a mantsi mo ditheong tsa dithuto tse dikgolwane.

1.4. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go ikamanya le matsapa a a oketsegileng a go godisa ikonomi.

2. Dipatlisiso tsa Dipalo tsa Badiri

2.1. Kabinete e amogetse Dipatlisiso tsa Dipalo tsa Badiri tsa Kotara e ngwe le e Ngwe tse di rebotsweng mo malobeng mo kotareng ya boraro mo ngwageng wa 2017, tse di bontshitseng gore botlhokatiro bo santse bo eme moo bo ntseng bo eme teng mo kotareng e e fetileng ka 27.7% Go iponetswe ditiro tse di rekotilweng mo lekaleng sa semmuso di feta 187 000 mo kotareng, lekala le le seng la semmuso mmogo le la temothuo one a rekotile tatlhegelo ya ditiro di le 71 000 le di le 25 000 ka tatelano. Puso e santse e ikemiseditse go dira ka gotlhe go samagana le dikgwetlho tsa botlhokatiro mme e ikuela mo lekaleng la poraefete gore le lone le tshameke karolo ya lona.

3. Ngwagakgolo wa ga Oliver Reginald Tambo

3.1. Kabinete e leboga maAforika Borwa otlhe ka go keteka ngwagakgolo wa Molwelakgaratlho OR Tambo, o o neng o patagantswe le mokete ka Labotlhano, 27 Diphalane 2017 kwa Motseng wa Nkantolo kwa Kapa Botlhaba.
3.2. Jaaka karolo ya mekete ya ngwagakgolo, Moporesitente Jacob Zuma o ne a eteletse kwa pele semmuso diporojeke tsa tlhabololo, go akaretsa:

Go neelana semmuso ka Letamo la Ludeke kwa Mbizana, le le agilweng ke ke Lefapha la Metsi le Kgeleloleswe le le agilwe jaaka karolo ya Sekema sa Tlamelo ya Metsi ka Bontsi mo Kgaolong ya Greater Mbizana.
Go etela lelapa la ga ba Nyameni kwa motseng wa Ludeke koo Moporesitente a ba tshumetseng motlakase semmuno, jaaka karolo e kgolo ya lenaane la puso la tshumelomotlakase kwa metseselegaeng kwa Mbizana le mo dikgaolong tse di mabapi;
Go abelana semmuso ka dikgatekgate go barutwana ba kwa Sekolong se Segolwane sa Botegeniki sa OR Tambo, jaaka karolo ya lenaane la Shova Kalula la Lefapha la Dipalangwa, le le tshegetsang barutwana ba ba tsamayang ka dinao sebaka sa dikhilomitara di le tharo go tla sekolong.

Lenaane la go neela barutwana dikhomphiutha kwa Sekolong sa Ditirelo tsa Barutwana ba ba Itlhophileng sa Vukuzenzele, sa barutwana ba ba nang le bogolofadi, le le neng le eteletswe pele ke Tona ya Ditlhaeletsano, Mmamoloko Kubayi-Ngubane.

4. Dipalopalo tsa Bosenyi

4.1. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe mmogo le ditšhaba tsa bone go tshwaraganela twantshobosenyi mmogo le ditheo tsa tiragatso ya molao go lwantsha bosenyi. Dipalopalo tsa mo malobeng tse di rebotsweng ke Tona ya Sepodisi, Rre Fikile Mbalula, di tlhagisitse dikarolo tseo go nnileng le kgatelopele mo go tsona mo go lwantsheng bosenyi mmogo le dikarolo tseo bosenyi mo go tsone bo santseng bo le kwa godimo.

4.2. Kabinete e dumela gore ke fela ka tirisanommogo mo rotlhe re ka unngwelwang mo go tlholeng metse e e babalesegileng e e kgonang go itlhabolola.

4.3. Dipalopalo tsa bosenyi di thusa puso le Tirelo ya Sepodisi sa Aforika Borwa (SAPS) gore e kgone go mekamekana le depeelo tse di botlhokwa le go sedimosetsa ka matshwao a go sa le gale go kgona go gagamatsa matsholo le ditogamaano tsa thibelobosenyi. Ke karolo ya togamaano ya thibelobosenyi go netefatsa gore batho botlhe mo nageng ba babalesegile e bile ba ikutlwa ba bolokesegile.

5. Tirisodikgoka e e Totileng Batho ba Bong jo bo Rileng (GBV)

5.1. Kabinete e buseletsa kgalemo ya yona ya go betelelwa ga basadi le bana, go sa kgathalesege gore maemo a mo setšhabeng a motho yo a rwesitsweng molato ke afe.

5.2. Kabinete e rotloetsa batswasetlhabelo go bega melato eno e e setlhogo kwa bothating jwa tiragatso ya molao, jo bo tla dirang dipatlisiso tsa ditatofatso tsa melato ya GBV le go tsaya dikgato tse di thatafetseng tse di leng ka fa tlase ga molao go netefatsa gore go diragatswa bosiamisi.

5.3. Letsholo la Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo Kgatlhanong le Tiririsodikgoka mo Basading le mo Baneng le a atumela mme Kabinete e setse e otletse legofi moono wa monongwaga: “Mpale: Mmogo re Tsweletsa Pele Aforika Borwa yo o Senang Tirisodikgoka”.

5.4. Kabinete gape e ikuela gore baagi ba rutane ka ga ditshwanelo tsa basadi le bana, le ka ga mekgwa e e farologaneng ya go kgalema e e leng teng go ka thusa batswasetlhabelo ba tirisodikgoka.

5.5. Letsholo la Matsatsi a le 16 a Bolweladitshwanelo ke letsholo la Dinagakopano (UN), le le diragadiwang ngwaga o mongwe o mongwe go simolola ka la bo 25 Ngwanaitseele (Letsatsi la Boditšhabatšhaba le Phediso ya Tirisodikgoka mo Basading) go fitlha ka la bo 10 Sedimonthole (Letsatsi la Boditšhabatšhaba la Ditshwanelo tsa Batho).

5.6. MaAforika Borwa a rotloediwa go nna mafolofolo mme ba tsenele manaane a go buelela le a temoso mo ditšhabeng le mo makale a bo bona.

6. Samiti ya Phetolothefosano ya Bojanala

6.1. Kabinete e ikuela mo go bannaleseabe botlhe go tshegetsa matsholo a phetolothefosano ya lekala la bojanala ka ntlha ya fa e ka kgona go unngwela ikonomi ka go matlafatsa baagi ba ba timilweng ditšhono le go ka godisa koketsego ya ditiro.

6.2. Lefapha la Bojanala le ne le tshwere Samiti ya Naga ya Phetolothefosano ya Bojanala ka la bo 30 le la bo 31 Diphalane 2017 ka moono yo o reng: “Bojanala jwa Botlhe: Thefosano, Kgolo le Nnelo Ruri”, e leng se se dirileng gore go rebolwe Pegelo ya Maemo a Phetolothefosano mo Lekaleng mmogo le go thankgololwa ga Letlole le Moedi wa Phetolothefosano ya Bojanala la Tshegetso e e Atolositsweng ya Bantsho mo Ikonoming (BBBEE).

7.  Leeto la Semmuso la ga Moporesitente Macky Sall wa naga ya Senegal

7.1. Kabinete e amogetse Leeto la Semmuso la Moporesitente wa naga ya Rephaboliki ya Senegal, Motlotlegi Macky Sall ka la bo 20 Diphalane 2017. Naga ya Aforika Borwa mmogo le ya Senegal di abelane ka dintlha tse di botlhokwa tse di amang le merero ya kgaolo le ya lefatshe ka bophara mme tsa saenela ditumelano di le mmalwa tsa dikarolo tse di rileng.

7.2. Dinaga ka bobedi di thusana ka tsa merero ya dinagapedi mo dikarolong tsa dipolotiki, ikonomi le dikamano tsa loago tseo di leng teng ka ntlha ya dikutlwano tse di maatla tsa hisetori tseo di sa leng di utlwanelwa kwa lowe fa go ne go kgaratlhelwa kgololesego.

7.3. Go saeniwa ga Mmemorantamo wa Ditumelano (MoU) ka go golaganya Robben Island (e e neng e dirisiwa ke puso ya apartheid go romela kgolegelong balwelakgololesego) mmogo le Gorée Islands (tsela eo maAforika a neng a thotiwa ka dikepe ka yona a romelwa bokgobeng) di thatafatsa tirisanommogo ya ditso le dihisetori tsa dinaga tsa rona jaaka go tla bo go tlotliwa Dipuisanelo tsa Dakar tsa 1987.

8. Leeto la Semmuso la Baromiwa ba Indonesia go tla mo Aforika Borwa

8.1. Kabinete e amogetse leeto la go tla mo Aforika Borwa ga ga Sultan Husain Abubakar Syah wa kwa Tidore kwa Indonesia. Baromiwa ba kwa Tidore e akaretsa Muhammad Amin Farouk, yo a tsereng marako mo go Tuan Guru, yo e neng e le molwelakgololesego yo a neng a tshwarwa ke maDatšhe mme ba mo romela kwa Robben Island ka ngwaga wa 1780. Tuan Guru (Imam Abdullah bin Qadi Abdussalam) mmogo le ba bangwe gape ba le bararo ba ditsala tsa gagwe ba ne ba golegwa dingwaga di ka nna di le 12 mme morago ba isiwa botshabelo kwa Kapa, koo ba nnileng le seabe se se kgolo mo go tlhabololeng setšhaba sa kgaolo eo mmogo le mo go agiweng ga ntloborapelo ya ntlha ya maMoseleme. MaAforika Borwa a mantsi a maMoseleme a golaganya hisetori ya malapa a bone le ene.

8.2. Baromiwa ba ne ba etela Kokoano ya Bosetšhaba (NA) mmogo le Lekgotla la Bosetšhaba la Diporofense (NCOP) mo ba neng ba amogelwa ke baeteledipele ba dikokoanyo tseo, Motlatsamoporesitente Cyril Ramaphosa mmogo le Tona ya Lefapha la Tlhabololo ya Ikonomi Ebrahim Patel.

8.3. Leeto leno le nopotse seo re tshwanang ka sona mo hisetoring ya go busiwa ka tsela ya bokoloniale mmogo le ntwa ya dingwagakgolo ya go lwela kgololesego ya naga ke baagi ba kwa Indonesia le ba Aforika Borwa. Gompieno re keteka bokgoni jwa go gwebisana, bojanala mmogo le dikgolagano tse dingwe tse di magareng ga dinaga tseno ka bobedi.

9. Ditlhatlhobo tsa bokhutlho jwa ngwaga tsa sekolo

9.1. Kabinete e kgotsofaditswe ke ditlhatlhobo tsa bokhutlho jwa ngwaga tse di kwadiwang ga jaana kwa dikolong le kwa ditheong tse dingwe tsa thuto ka di tswelela ntle le dikgoreletso dipe.

9.2. Thuto ke e nngwe ya dikgato tse di botlhokwa tsa go aga bokamoso jo bo botoka mo nageng. Batsadi le batlhokomedi ba bana ba rotloediwa gore ba tswelele go tlamela barutwana ka tshegetso e e tlhokagalang mo pakeng eno.

9.3. Lenaane la se Salele Morago mmogo le matsholo a mangwe a Lefapha la Thuto ya Motheo a thusitse barutwana ba ba kgoreleditsweng ke ditshupetso tsa mo gare ga ngwaga mme go solofetswe fa ba tla diragatsa bontle.

10. Go nna seopo sengwe

10.1. Kabinete e akgotse ditheo tsa tiragatso ya molao mmogo le tirisanommogo le baagi ba ba thusitseng gore Willem Oosthuizen le Theo Jackson ba latlhelwe kwa kgolegelong. Bobedi jo bo ne jwa gapeletsa ka dikgoka Victor Mlotshwa go tsena ka fa lekaseng la baswi mme ba mo tshosetsa ka gore ba tla tshela peterole mme ba mo tshuma le lona.

10.2. Katlholo eno e bontsha gore melao ya Aforika Borwa ga e tsee letlhakore mo go sireletseng ditshwanelo tsa baagi botlhe.

10.3. Puso gape e netefaletsa ditshwanelo tsa maAforika Borwa otlhe tsa go ka dira ditshupetso tse di renang kagiso jaaka karolo ya molaotheo wa temokerasi ya rona. Le fa go le jalo, ditshwanelo tse di tlhalositsweng mo Molaotheong wa Rephaboliki ya Aforika Borwa wa 1996 ga se tsona fela mme ka jalo ga di a tshwanela go ka gatelela ditshwanelo tsa ba bangwe tsa temokerasi.

10.4. Kabinete ka jalo e kgalema ka mafoko a a bogale ditiragalo tsa go thiba ditsela tsa naga, go phophomisa didirisiwa tsa kgale tsa puso ya tlhaolele mmogo le go senya didirisiwa tsa naga tsa puso ya jaano tseo di bontshang ka fao temokerasi ya rona re e fitlheletseng boima ka gone.

10.5. Kabinete e ikemiseditse ka seabe sa yona sa go dira gore re nne seopo sengwe bojotlhe jwa rona mme e ka jalo e ipiletsa go baagi botlhe go tshameka karolo ya bona ka maikarabelo mme ka go dirisana mmogo go aga Aforika Borwa yo o tshwaraganeng, yo o senang tlhaolele, wa temokerasi e bile a humile.

B. Ditshwetso tsa Kabinete

11.1. Kabinete e amogetse Pegelo ya Maemo a Pusoselegae mo Aforika Borwa ya 2015/16. Pegelo eno e bontsha kgatelo pele e e dirilweng mo go tsenyeng tirisong Lenaane la Go Boela kwa Tshimologong (B2B), e leng leano la tiro go netefatsa gore go nna le tirelo ya motheo, botsamaisi jwa puso bo tsamaya ka tolamo mmogo le taolo e e lolameng ya matlole.

Pegelo e nopola dikarolo tse di nang le dikgwetlho mmogo le go tlamela ka motheo wa go tsenya tirisong kgato ya bobedi ya Lenaane la B2B. Pegelo eno e tla adiwa kwa Palamenteng.

11.2. Kabinete e tshegeditse diphetogo tsa Melao ya Lekala la B-BBEE. Diphetolelo tseno di samagana le dikgwetlho tsa lekala mmogo le dilo tse di gakgamatsang mo phetolothefosanong tseo di ka se rarabololweng ka botlalo ke melao ya boitlhamedi. Makala a mararo ano a akaretsa la Temothuo, la Matlole le la Dikago. Diphetogo tse di tshitshintsweng di setse di phasaladitswe mo bannaleseabeng ba ba maleba. Melao yotlhe e e fetotsweng ya lekala e tla phasaladiwa mo Kaseteng ya Puso.

11.3. Kabinete e amogetse Togamaano ya Naga ka tsa Eleketeroniki mmogo le go phasaladiwa ka ga yona mo Kaseteng ya Puso. E phasaladitswe ka Moranang 2017 gore setšhaba se dire ditshwaelo. Togamaano ya Naga ka tsa Eleketeroniki e bua ka ponelopele e e tshwaraganetsweng ke botlhe le go suta mo setlwaeding sa go nna setšhaba se se laolang ke tshedimosetso go ka nna setšhaba sa ikonomi e e laolwang ka kitso.

E samagana le dikgwetlho, go akaretsa le sekgala sa go kgaoganngwa ka didirisiwa tsa dijithale magareng ga bahumi le bahumanegi, merafe e e farologaneng, mafelo a a farologaneng le magareng ga bong jo bo farologaneng.

E tlamela ka dirala tsa go thusa maAforika Borwa go golaganya thekenoloji, e leng se se matshwanedi e bile se amana le go ntshetsa pele tlhabololo le khumo ya ikonomi go ka unngwela setšhaba sotlhe. Lefapha la Mafaratlhatlha a Ditlhaeletsano le Ditirelo tsa Poso le tla neelana ka tshedimosetso e nngwe gape e e ka ga togamaano eno.

11.4. Kabinete e amogetse Mosupetsatsela wa Togamaano ya Puso ya Bosetšhaba ka tsa Eleketeroniki, go ka phasaladiwa mo Kaseteng ya Puso. E tla tlisa phetolothefosano ya dijithale mo tirelong ya puso mmogo le go kgontsha gore go nne le kabeloditirelo e e tokafaditsweng e e boleng fa mo letlhakoreng le lengwe e diragatsa dithekenoloji tsa dijithale. Togomaano eno e totile, gareng ga tse dingwe, kgaoganngo magareng ga matsholo a puso a tiriso ya thekenoloji mmogo le dithulaganyo tse di tshwanang, difalanatshedimosetso tse di tshwanang, thulaganyo e kgolo e e seng matshwanedi e bile e se mosola. Gape e tla oketsa tiriso ya Thekenoloji ya Ditlhaeletsano le Tshedimosetso (ICT), e rotloetse boitshimololedi jwa thekenoloji le mananeo a thekenoloji ya puso.

11.5. Kabinete e amogetse Togamaano ya Tlhabololo ya Dikgwebopotlana, tsa mo Magareng le tse Dikgolwana (di-SMME) ya ICT. Eno ke tsereganyo e e mabapi le lekala leno feela go ka tlhomola dikgwetlho tseo di-SMME tse di dirang mo lekaleng la ICT di tobaneng natso.

Togamaano eno e tshitshinya ditsereganyo tse di ka potlakisang tlhabololo le kgolo ya dikgwebopotlana mo lekaleng la ICT, fa mo letlhakoreng le lengwe le tobana le koketsego ya maemo a go reka le go dirisa di-ICT ke lekala lotlhe la dikgwebopotlana.

Togamaano ya teng ke go tshegetsa dikgwebokgolo tsa ICT tseo di simololang, e matlafatse dikgwebokgolo tse di leng teng mmogo le go atolosetsa letsogo kwa go dikgwebong tse dingwe tse di ka iponang e le di-SMME.

11.6. Kabinete e amogetse go phasaladiwa ga Pegelo e e ka ga go Lekolwa ga Lenaane la Naga la Phepodijo kwa Dikolong. Leno ke lenaane la puso le le nang le madi a ngwaga a le kanaka R5.5 bilione e leng se se dirang gore barutwana ba le dimilione di le robongwe go tswa kwa mafelong a bao ba humanegileng ba neelwe dijo tse di dikotla letsatsi le lengwe le le lengwe ka sekolong. Pegelo eno e abelana ka dikarolo tse di diragaditsweng ka tshwanelo mmogo le dikarolo tse dingwe tse di tlhokang go tlhabololwa.

Pegelo eno e tla fitlhelwa mo webesaeteng ya Lefapha la Tiromaano,Tekolo le Tshekatsheko ya Tiro(www.dpme.gov.za).

11.7. Kabinete e akgola tshwetso ya Aforika ya go gaisanela go tlhophiwa sešwa mo Lekgotleng la Mokgatlo wa Dikepe le Mawatle wa Boditšhabatšha (IMO). Ditlhopho tseno di tla tshwariwa mo nakong ya fa go tla bo go tshwerwe Kopano ya ka Gale ya bo 30 ya Kokoanyo go tloga ka la bo 27 Ngwanaitseele go fitlha ka la bo 6 Sedimonthole 2017 kwa London, United Kingdom.

Aforika Borwa ke naga e e nang le mawatle ka 80% ya dikgwebisano e diriwang ka go dirisa mawatle. Botokololo jwa Aforika Borwa mo Lekgotleng la IMO bo na le seabe mo kgolong ya ditiro tse di tswang mo Operation Phakisa: Ikonomi ya kwa Mawatleng.

11.8. Kabinete e amogetse go tsenngwa tirisong kwa Palamenteng ga dipaakanyo tsa Diphetogo mo go Porotokholeng ya Montreal ka ga Diritibatsi tse di Fetsang Llaga ya Osoune tse di akaretsang hydrofluorocarbons (di-HFC). Diphetogo tseno maitlhomo a tsona ke go fedisa di-HFC (Tumelano ya Kigali), e leng e e ka ga tse dingwe tsa dintlwana tsa tshomarelotlhago tseo ga jaanong le tsona di nang le seabe mo go fetseng Llaga ya Osoune. Aforika Borwa jaanong e setse e le yona mosaeni wa Porotokholeng ya Montreal.

11.9. Kabinete gape e amogetse go tsenngwatirisong kwa Palamenteng ga Dipaakanyo tsa Kopanokgothakgothe ya Minamata e e ka ga Mekhuri. E neelana ka ditšhono tsa go babalela batho ba ba leng mo tlalelong, bogolosegolo bao ba nnang kwa mafelong ao go nang le meepo mo go yona, ka go nna kgatlhanong le tiroso ya mekhuri mo tikologong le mo boitekanelong ja baatho.

11.10. Kabinete e begetswe ka Pegelo ya Khomišene ya Dipatlisiso ka ga Thuto le Katiso tse di Kgolwane mo Rephaboliking ya Aforika Borwa. Komiti ya Matlole ya Moporesitente e tla kopana mo nakong e e sa fediseng pelo go atlhaatlha ditlamorago tsa matlole. Lefapha la Thuto le Katiso tse di Kgolwane le tla tshwanelwa ke go sekaseka dipholisi le melao e e matshwanedi, fa go tlhokagala. Moporesitente Zuma o tla rebolela setšhaba pegelo eo mo nakong e e sa fediseng pelo mme se sebueledi sa Kantoro ya Moporesitente, Ngaka Bongani Ngqulunga, o tla dira tsiboso mabapi le ntlha eno.

C. Melaotlhomo

12.1. Kabinete e amogetse Molaotlhomo wa Mogolo o o kwa Tlase wa Bosetšhaba o o dirang gore go nne le mogolo o o kwa tlase o o amogelesegang go ka duelwa modiredi yo a amogelang letseno le le kwa tlase mo Marakeng wa Badiri wa Aforika Borwa.

Molaotlhomo o no o laela gore modiredi yo mongwe le yo mongwe yo a sa goleng mogolo o montsi a seke a duelelwa madi a a ka fa tlase ga o o tlhalositsweng ka fa moogolong o o kwa tlase wa bosetšhaba. Gang fa Molaotlhomo ono o sena go simololwa go diragadiwa, go tla solofelwa gore bathapi ba se duelele badiredi ba bona madi a a ka fa tlase ga ao a beilweng a naga, e leng ao a tla namelelang ngwaga yo mongwe le yo mongwe.

12.2. Kabinete gape e amogetse go tlisiwa kwa Palamenteng ga Diphetogo tsa Molaotlhomo wa Maemo a Motheo a Mafelotiro, 1997 (Molao wa bo 75 wa 1997) go netefatsa gore o tshegetsa Molaotlhomo wa Mogolo o o kwa Tlase wa Bosetšhaba.

12.3. Kabinete e amogetse go tlisiwa kwa Palamenteng ga Diphetogo tsa Molaotlhomo wa Dikamano tsa Merero ya Badiri wa 2017. Molaotlhomo ono ke dipoelo tsa go buisana le bannaleseabe botlhe ba ba maleba. Gareng ga tse dingwe o samagana le dikgato tse di tshwanetsweng go latelwa go dira ditshupetso, megwanto gogang lobaka lo lo leele mmogo le ditheo tsa dikeletso tsa botsereganyi.

12.4. Kabinete e amogetse go tlisiwa kwa Palamenteng ga Pusoselegae: Diphetogo tsa Molaotlhomo wa Ditheo tsa Masepala wa 2017. Ona o fetola Pusoselegae: Molao wa Ditheo tsa Masepala, (Molao wa bo 117 wa 1998).

Molaotlhomo ono o ikaelela go matlafatsa dithulaganyo tsa tsamaiso ya ka fa gare ga puso le tsa puso ya temokerasi. Gape maitlhomo a ona ke go rarabolola merero e e ka ga tsamaiso ya puso le bolaodi jwa ditlhopho tsa masepala, mmogo le go rotloetsa mosola le tolamo ya go tsenya molao tirisong, mmogo le go matlafatsa botlhokomedi jwa tsamaiso mo pusong le mo dimasepaleng.

12.5. Kabinete e amogetse go tlisiwa kwa Palamenteng ga Molaotlhomo wa Thulaganyo ya Ikwadisetso ya Makwalobopaki jwa Madulo a Ileketeroniki wa 2017. Molaotlhomo ono o setse o fetisitswe setšhabeng gore se dire ditshwaelo ka ga one.

O letla gore go tlhomiwe thulaganyo ya ikwadisetso ya makwalobopaki jwa madulo a ileketeroniki (e-DRS), gore go diriwe makwalobopaki jwa madulo, go kgontsha gore go kgonwe go kwadisa makwalobopaki jwa madulo a mantsi jaaka go tlhokagala go ya ka matsholo a pusetso ya dinaga.

12.6. Jaaka karolo ya go rotloetsa tiriso ya di-ICT ya go tlhoma ikonomi e e akaretsang botlhe, Kabinete e amogetse Molaotlhomo wa Setheo sa Naga sa Bokgoni jwa tsa Ileketeroniki wa iKamvao wa 2017 (Molaotlhomo wa iNeSI) gore o phasaladiwe mo Kaseteng ya Puso gore baagi ba dire ditshwaelo ka one.

Molaotlhomo wa iNeSI o letlelela gore go tlhomiwe iNeSI jaaka setheo sa puso ka melao ya sona, go samagana le tlhaelo ya bokgoni jwa tsa ileketeroniki e e kgoreletsang dipeeletso, tlhabololo ya ikonomi ya loago mmogo le tlhabololo ya bokgoni mo nageng.

Seno se tla tlhoma mafelotlhagiso a didirisiwa tsa ICT mo porofenseng e nngwe le e nngwe, a a tla thusanang le iNeSI go tlhoma le go betla manaane le didirisiwa tsa katiso tse di maleba, go rotloetsa le go samagana le dipatlisiso tsa boitlhamedi, mmogo le go tlamela ka bokgoni jwa dipatlisiso mo baithuting ba dithuto tsa morago ga go konosetsa dithuto tsa ntlha tse dikgolwane.

12.7. Kabinete e amogetse gore go phasaladiwe mo Kaseteng ya Puso Molaotlhomo wa Diphetolo tsa Ditireloposo gore baagi ba dire ditshwaelo ka one. Seno se tla fetola Diphetolo tsa Molao wa Ditireloposo wa bo 124 wa 1998.

Molaotlhomo ono o letlelela gore lekala la poso lotlhe le ka rutlomololwa mme la rulaganngwa sešwa gore go nne le seabe mo phitlhelelong ya botlhe mo ditirelong tsa eleketeroniki tsa boithamedi fa mo letlhakoreng le lengwe le tswelela go tlamela ka ditireloposo tse di tlwaelegileng tse di boleng e bile di babalesegile.

Seno se a thusa mo go nneng le boleng le seriti ka go fitlhelela tshedimosetso le ditireloposo tse di duelesegang, e leng se se samaganeng le tsa tlhabololo ya loago le go tokafatsa boleng jwa botshelo jwa motho ka nosi le jwa baagi.

D. Ditiragalo tse di Tlang

Kabinete gape e amogetse tse dingwe tsa ditiragalo tse di tlang tse di leng mo Khalentarenng.

13. Lenaale la Ditlhatlhobo tsa Moporesitente la Siyahlola

13.1. Moporesitente Zuma o tla etela Sepetlele sa Baithuti sa Steve Biko kwa Tshwane ka la Botlhano, ka la bo 3 Ngwanaitseele Steve Biko go tlhokomela ka fao kabotirelo ya boitekanelo e diragadiwang ka yona, jaaka e le karolo ya Lenaale la Ditlhatlhobo tsa Moporesitente la Siyahlola.

Sepetlele seno ke se sengwe sa dipetlele tse di dirang bontle mo nageng e bile se reetswe ka Steve Bantu Biko, mogale wa molwelakgaratlho wa mo malobeng e bile e ne e le moithuti mo dithutong tsa bongaka kwa Yunibesiting mo malobeng ya Natal (eo jaanong e bediwang University of KwaZulu-Natal).

Leeto leno la Moporesitente Zuma ke karolo ya lenaane le le tsweletseng la puso la tshekatsheko le maitlhomo e leng go samagana le dikgwetlho tse di tobaneng le dipetlele tsa puso le go tlhabolola thulaganyo ya tlhokomelo ya boitekanelo mo nageng, e leng e nngwe ya ditlapele tsa puso tse di botlhokwa thata.

14. Kgwedi ya Bosetšhaba ya Ditemoso tsa Ditshwanelo tsa Batho ba ba nang le Bogole

14.1. Kabinete e ikuela mo go maAforika Borwa otlhe go tshegetsa Kgwedi ya Temoso ya Naga ka Ditshwanelo tsa Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi magareng ga la bo 3 Ngwanaitseele le la bo 3 Sedimonthole 2017, eo gape e ketekiwang ka nako e le nngwe le Letsatsa la Boditšhabatšhaba la Batho ba ba Tshelang ka Bogolofadi.

MaAforika Borwa a rotloediwa go dira ditemoso le go sireletsa batho ba ba tshelang ka bogolofadi, fa mo letlhakoreng le lengwe go bontshwa tseo di fitlheletsweng go samagana le dikgwetlho tseo batho ba ba tshelang ka bogolofadi ba neng ba tobana le tsona.

15. Khonferense ya Naga ya Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae

15.1. Lefapha la Pusotshwaraganelo le Merero ya Setso (CoGTA) mmogo le Lefapha la Tlhabololo ya Dikgwebopotlana a tla tshwara kopano ya ntlha ya Khonferense ya Naga ya Tlhabololo ya Ikonomi ya Selegae ka la bo 9 le la bo 10 Ngwanaitseele 2017 kwa Gauteng.

Khonferense eno ke serala sa togamaano ya dipuisano magareng ga lekala la puso le la poraefete ka ga merero e e kwa setlhoeng le e e botlhokwa thata e e amanang le go thuthusa diikonomi tsa loago ka go tlhola tikologo e e kgontshang seo gore go fitlhelelwe tlhabololo ya ikonomi e e akaretsang botlhe.

E. Melaetsa

16.

16.1. Kabinete e amogetse tsiboso ya gore didolara tsa Amerika di feta bilione di tla beelediwa mo tsamaong ya dikgwedi di le mmalwa mo ikonoming ya Aforika Borwa ya thekenolojing, thuto le kgwebisano ya temothuo. Seno se rebotswe ke moAmbasatara Harold Doley, Jr, yo e leng Mmusisi wa Bankatlhabololo ya Aforika.

16.2. Kabinete e akgotsa Ngaka Nono Simelela ka go thapiwa ga gagwe jaaka Mothusi wa Mokaedikakaretso wa Mokgatlhong wa Boitekanelo jwa Lefatshe (WHO). Ngaka Simelela o tla etelela pele Kgaolo ya Merero ya ba Lelapa, Basadi, Bana le ba Bosima mo setheong sa WHO go simolola ka la bo 13 Ngwanaitseele 2017. Ke mosadi wa ntlha wa moAforika yo a nnileng ngaka ya tsa sesadi mo Aforika Borwa.

16.3. Kabinete a amogetse tsiboso ya Mokgatlho wa Lefatshe wa Rakabii ya go tshitshinya gore metshameko ya dikgaisano tsa Sejana sa Lefatshe tsa Rakabi ka 2023 e tshwarelwe kwa Aforika Borwa. Kabinete gape e akgotse tiro e e dirilweng ke Tona ya Lefapha la Metshameko le Boitapoloso, Rre Thulas Nxesi, Motlatsamoporesitente Ramaphosa mmogo le setlhopha sa go tsenela dikgaisano sa Mokgatlhotshwaraganelo wa Rakabii ya Aforika Borwa. Mokgatlho wa Lefatshe wa Rakabii o tla rebola tshweetso ya yona ya bofelo ka seno ka la bo 15 Ngwanaitseele 2017.

16.4. Kabinete e akgola bao ba tsereng karolo mmogo le bafenyi botlhe ba Dikabo tsa bo 15 tsa Boitshimololedi tsa Lekala la Puso. Dikabo tseno di akgola matsholo a a mosola a a atlegileng a kabotirelo ao a diragaditsweng ka go tsaya dikgato tsa boitshimololedi, tsa mekgwatiro le tsa go dirisa didirisiwa.

16.5. Kabinete e akgola setlhopha sa SuperSport United FC gore se bo se fitlheletse kwa makgaolakganyeng a Sejana sa CAF morago ga go šašara Tunisian side Club 3-1 le 4-2 ka go kopanya dino tsotlhe. Setlhopha seno se se itsegeng thata ka gore ke Matsatsantsa se tla thulana le TP Mazembe mo karolong ya bobedi ya dikgaisano tsa metshameko ya kontinente ya bofelo mo kgweding e e tlang.

16.6. Kabinete e rometse matshediso a yona kwa go ba lelapa le ditsala tsa ga Ian McLeod, yo go latlhegelwa ke botshelo jwa gagwe e nnileng tatlhegelo e kgolo mo kgweleng ya dinao mo nageng ya Aforika Borwa. E nnile moletsaphala wa moAforika Borwa wa ntlha go ka dira kwa kgaisanong ya metshameko ya Sejana sa Lefatshe sa FIFA, fa a ne a laola motshameko wa lefatshe wa 1998 kwa Fora.

F. Go thapiwa
Go thapiwa gotlhe go tla diragadiwa fa makwalothuto otlhe a netefaditswe mme go amogetswe tetlelelo e e matshwanedi.

17.1. Bakaedi ba Boto ya Koporasi ya Aforika Borwa ya Inšorense ya Dikoloto tsa Diromelwantle ya SOC Limited.

a. Mme Lerato Herriette Mothae; le
b. Mme Sisa Mayekiso.

17.2. Ditokololo tsa leruri tsa Bothati jwa Naga jwa Bareki:

a. Mme Hazel Viloshni Devraj; le
b. Moatefokate John Rinton Simpson.

17.3. Go thapiwa sešwa ga ditokololo di le pedi tsa nakwana tsa Bothati jwa Dikgaisano:

a. Moporofesara Imraan Valodia; le
b. Rre Anton Roskan.

17.4. Boto ya Lekgotla la Dipatlisiso tsa Saense le Batho:

a. Moporofesara Mvuyo Tom – (Monnasetulo);
b. Moporofesara Lindiwe Zungu;
c. Mme Nasima Badsha;
d. Moporofesara Relebohile Moletsane;
e. Moporofesara Haroon Bhorat;
f. Moporofesara Shireen Hassim;
g. Mme Precious Nompumelelo Sibiya;
h. Moporofesara Mark Bussain;
i. Moatefokate Roshan Dehal; le
j. Ngaka Abdalia Hamdok.

Dipotsiso:
Mme Phumla Williams – Mokaedikakaretso wa Namaotshwere (GCIS)
Mogala: 083 501 0139